Monnapule Saleng o boile kwa Pirates

Monnapule Saleng o boile go tla go ikatisa le Orlando Pirates morago ga go se nne teng dikgwedi di le nne.

Mme seno se dirile gore batho ba ba tshegetsang setlhopha seno ba itumele.

Saleng o ne a sa tsenngwa mo setlhopheng ka ntlha ya mabaka a a sa tlhalosiwang.

Mme fa setlhopha se ne se tlile go lebana le MC Alger kwa CAF Champions League, go tsenngwa ga gagwe mo setlhopheng go ne ga dira gore babogedi ba solofele gore o tla nna le seabe mo setlhopheng.

Saleng o ne a tshamekela Pirates la bofelo mo motshamekong wa CAF kgatlhanong le Al Ahly ka Sedimonthole 7, 2024.

Fa e sa le ka nako eo, o ne a ntse a ikatisa le setlhopha sa batshameki ba bangwe.

Batho ba akantse thata ka isagwe ya gagwe mo setlhopheng seo.

Pele ga go se bonagale  ga gagwe, Saleng o ne a na le tshimologo e e kgatlhisang mo setlheng.

Go nna ga gagwe mo maemong a a kwa godimo go ne ga dira gore a nne motho wa botlhokwa thata mo go Orlando Pirates.

Bontsi jwa balatedi ba gagwe ba ne ba rotloetsa setlhopha seno go rarabolola bothata jono.

Mo tiragalong e e solofetsang, Monnapule Saleng jaanong o boetse gape mo Orlando Pirates.

o ne a bonwa a ikatisa le balekane ba gagwe ba setlhopha.

Seno se supa gore o ipaakanyeditse se se tlang.

Se se kaya gore a ka nna a tlhophiwa mo motshamekong o o tlang.

Go le gontsi go lebeletswe ke batshegetsi ba Pirates.

BUISA GAPE: Royal AM e rekilwe

Source:http://www.briefly.com

Translator: Onkarabile Manganye