
Lebo Maboe le lebaka la gagwe la go tlogela Downs
Boikutlo jwa go nna mo setadiamong, go tshameka kgwele ya dinao ke gone go dirileng gore Lebohang Maboe a kope Mamelodi Sundowns gore e mo adime madi.
Lebohang Maboe, wa dingwaga di le 29, o ne a adimilwe kwa Sundowns ka kgwedi ya Ferikgong.
Mme o ne a feleletsa a le kwa SuperSport United.
O ne a bolela gore o itumelela go nna le nako e ntsi ya go tshameka kwa St. Pitori, a tlhalosa gore o ne a itumelela go nna mo seraleng.
Kwa Sundowns, Lebohang Maboe o ne a sa bone nako ya go tshameka ka metlha.
Mme seno se ne sa dira gore a fudugele kwa lefelong le lengwe ka tsholofelo ya gore o tla boa a nna le bokgoni jwa gagwe gape.
E ne e le mongwe wa batshameki ba ba tumileng thata mo setlhopheng sa gagwe sa bogologolo sa Maritzburg United.
Mme o ne a ngoka kgatlhego ya batho ba Sundowns.
O ne a nna leloko la setlhopha sa Chloorkop ka 2018 mme o ne a fenya dikgele di le dintsi le bone.
Mme o ne a tshwenngwa ke gore o ne a nna a latlhegelwa ke jese mo setlheng se se fetileng.
“Go a gakgamatsa, mme gone jaanong ke itumetse e bile ke itumelela go tshameka kgwele ya dinao.”
O ne a bolelela Soccer Laduuma.
“Dilo dingwe ga di ka ke tsa rekwa ka madi.
Go tshameka kgwele ya dinao ke sengwe sa dilo tseo.”
Buisa Gape:Bafana Bafana ba kgatlhisa le fa ba nale dikgwetlho
Source:http://Lisenethini.co.za
Translator: Onkarabile Manganye
