Boemo jwa ga Monnapule Saleng mo go Pirates

Orlando Pirates e dirile tshwetso e e masisi malebana le isagwe ya ga Monnapule Saleng. Motshameki yo o tshamekang mo gare ga setlhopha sa Bafana Bafana o ntse a seyo mo setlhopheng.Seno se ne sa dira gore go phopholediwe thata ka boemo jwa gagwe le isagwe ya gagwe mo setlhopheng sa Soweto.Go bontsha seno se bakiwa ke go palelwa ke dipuisano le setlhopha sa naga enngwe.

Monapule Saleng o ne a tshamekela Pirates la bofelo ka Sedimonthole 7. Ka motshameko wa Al Ahly ka Caf Champions League.O ne a fiwa tetla ya go tshamekela Bafana kwa metshamekong ya Chan le Egepeto.O ne a le teng fa Bafana ba ne ba tshameka motshameko wa 1-1 le Egepeto kwa Bloemfontein.

Konteraka ya gagwe e tla fela ka Seetebosigo 2025. Go bolelwa fa Pirates e dirisitse tshono ya go mo okeletsa dingwaga tse dingwe tse pedi.Seno se raya gore Saleng o tla nna le setlhopha sa kwa Soweto go fitlha ka 2027. Setlhopha se se batlang go mo gapa se tla tshwanelwa ke go buisana le Pirates gore se mo reke.

Bokamoso jwa ga Monnapule Saleng kwa Pirates ga bo ise bo tlhomamisiwe. Kampani e e mo tlhokometseng e ne ya senola gore kgang ya gagwe e santse e le mo dipuisanong. Setlhopha sa gagwe se mo mathateng a magolo. Balatedi ba gagwe ba setse ba mo kopa gore a boe go tla go thusa.

BUISA GAPE: https://metshameko.co.za/2025/03/03/monnapule-saleng-o-batla-go-tswa-mo-orlando-pirates/

Source:https://lisenethini.co.za/2025/03/04/kuvela-okusha-ngesimo-sikamonnapule-saleng-kwipirates/

Translator: Onkarabile Manganye