VAR e Gaufi le go dirisiwa, Tona e a Tlhomamisetsa

Aforika Borwa e gaufi le go tsenya thekenoloji ya VAR mo kgweleng ya bona ya dinao.

Lephata la metshameko le ne la ntsha madi a a kana ka diranta di le dimilione di le 90 go duelela porojeke eno.

Tona Gayton McKenzie o ne a solofetsa gore VAR e tla simolola mo setlheng sa 2025/26 sa PSL.

Setlha seno se simolola ka Phatwe mo ngwageng o wa 2025.

Lephapha leno la metshameko le ne la tlhomamisa gore go beetswe kwa thoko madi.

Madi ao a a beetswebg thoko ke madi a a tla dirisiwang mo tekanyetsong.

Komiti e tla sekaseka diboutu tse di rometsweng kwa Safa.

Safa e amogetse dikopo di ka nna 12 go tswa kwa dikhamphaning tsa thekenoloji.

Thulaganyo ya go tlhopha e simolotse mo masimologong a Seetebosigo.

Go reka ga go ise go simolole.

Lephata le tla konela tumalano le Safa mo bogautshwaneng.

Go tla saenwa tumalano ya semolao.

Dithulaganyo tsa go baakanya le go tlhokomela di tla bo di le mo tumalanong.

Safa e neetse Palamente pegelo ya yona ya 2023-24.

Eno ke kgato e e tlhomameng thata.

Kgato ya go dirisa VAR mo kgweleng ya dinao ya mo lefelong leo.