
Sekgele sa bobedi sa Kaizer Chiefs kgatlhanong le Stellenbosch
Kaizer Chiefs ba tseneletse kwa semi-final ya Nedbank Cup. Morago ga go fenya Stellenbosch FC kwa quarter-final kwa Nelson Mandela Bay ka Lamatlhatso.
Sekgele sa bobedi sa Glamour Boys se se tsentsweng ke Pule Mmodi se ne sa sekwa ke molaodi. Se ke pele ga moatlhodi wa bogare,Sikhumbuso Gasa, a phimola tshwetso ya go aba kgetse.
Mokwadi wa dikgang tsa metshameko Uche Anuma mo puisanong ya gagwe le Briefly News. O ne a tlhalosa maikutlo a gagwe ka tshwetso ya moatlhodi ya go naya Chiefs go ya bone ya bobedi.
“Kaizer Chiefs ba ne ba tshwanelwa ke go fenya motshameko, a re simololeng ka seo.
Le fa go ntse jalo sekgele samorago se ne se tshwanetse go ntshiwa. Morago ga gore molaodi a tsholetse folaga ya gagwe ka ntlha ya phoso e e dirilweng mo go Sage Stephens.” O ne a rialo.
“Matlou o ne a dira molato mo go Stephens. E ne e le tshweetso e e siameng gore sekgele se ntshiwe. Ka gonne go lebeletswe gore batshwara dikgele ba sirelediwe mo maemong a a ntseng jalo.”
“Selo se sengwe ke gore ga go na VAR (Video Assistant Referee). Ke ka ntlha yang go fetolwa tshweetso ya molaoodi yo neng a kgona go bona sentle fa a bapisiwa le moatlhodi?”
“Kaizer Chiefs e nnile batswasetlhabelo ba baatlhodi ba ba neng ba sa dire sentle mo setlheng seno. Ke akanya gore ba nnile le seabe se se siameng mo mafelobekeng ano.”
Anuma gape o gakolotse gore Premier Soccer League e dirise Video Assistant Referee go tloga ka setlha se se tlang. E tla fokotsa dikganetsano tse di amanang le go kwalwa ga dikgele mo offside, go bidiwa ga dikotlhao, le go dira phoso mo lebokosong.
“Mo motshamekong o o tshwanang. Go ne ga nna le ditiragalo tse di diragetseng mo lebokosong la Stellenbosch. Tse di neng di tshwanetse go felela ka kotlhao, mme di ne tsa se ka tsa newa. Se se bontshang gore go tlhokega jang go tsenngwa ga VAR pele ga tshimologo ya setlha se se latelang.” O ne a tlaleletsa jalo.
“Ditshwetso tse di sa dumalaneng le tsa baatlhodi tse di dirwang ka go dirisa botlhale jwa bone gantsi di tlhoka go fokodiwa. Fela jaaka Mamelodi Sundowns le Golden Arrows, fa go ne go na le VAR, Ba-Brazil ba ka bo ba fentse motshameko oo”.
BUISA GAPE:Ntseki o netefatsa go tswa ga Saleng mo Bafana Bafana
Source: http://briefly.co.za
TRANSLATOR: Onkarabile Manganye
