Seema o bua ka dipego ka ga ena tsa mo malobeng

Dipego di ne di amanya Letlhogonolo Seema le go tlhophiwa mo maemong a a kwa godimo kwa Bantu FC.

Setlhopha ka bosone se ne sa ntsha kitsiso ya gore motshameki wa dingwaga tse 44 o ne a tlile go dira LE BONE.

Mmogo le mokatisi wa bone yo mogolo Charles Manda.

Le fa go ntse jalo, fa a bua le SABC Sport go tswa kwa Maseru, o ne a re go na le tlhakatlhakano.

“Nnyaa, ga ke ise ke saene konteraka le tlelapa.

Ke ba thusa fela ka gonne ke setlhopha se ke se ratang thata.

Bloemfontein Celtic e ne ya saena le nna fa ke ne ke tshameka fano dingwaga tse dintsi tse di fetileng.”

“Ga jaana ga ke bereke.

Ba ne ba mpotsa gore a nka nna karolo ya setlhopha sa boradithekenoloji.

Le go ba thusa mo metshamekong e le merataro.

Mme ke ne ka dumela ka gore fa go ka direga sengwe, ke tla tsamaya ka yone nako eo.

Ke tla boela kwa Johannesburg mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang.

Mme ke sa ntse ke rata go bereka mo Premier Soccer League.” o ne a rialo.

Bantu FC le yone e ne ya baakanya polelo ya bone e e malebana le seabe sa ga Seema mo setlhopheng seno mo nakong e e setseng ya letsholo leno.