Rushwin Dortley o gobetse

Kaizer Chiefs le Bafana Bafana ba lebane le bothata jo bo masisi ka go gobala ga Dortley.

Rushwin Dortley o setse a latlhegetswe ke metshameko e mebedi ya bofelo ya Kaizer Chiefs.

Jaanong go ne ga lemotshega gore o tlhoka go ariwa lengole mme ga a kitla a boa go fitlha mo setlheng se se latelang.

O tshamekile metshameko e le 21 mo setlheng seno, o tla bo a sa tlhole a le teng.

Mo boemong jwa gagwe, Given Msimango yo o tshamekang le Inacio Miguel, o buseditswe kwa morago kwa bogareng jwa lebala.

Dortley wa dingwaga di le 22 ke motshameki wa botlhokwa mo setlhopheng sa Kaizer Chiefs le Bafana Bafana.

O simolotse tiro ya gagwe ya kgwele ya dinao kwa Cape Town Spurs. Koo a neng a itsege thata ka bokgoni jwa gagwe jwa go tshameka kgwele ya dinao.

Tsela e a neng a tshameka ka yone e ne ya ngoka kgatlhego ya ditlhopha tse dikgolo. Fa nako e ntse e ya o ne a ikgolaganya le setlhopha sa Kaizer Chiefs.

O tshamekile mo metshamekong yotlhe e le merataro ya go ipaakanyetsa Sejana sa Ditšhaba sa Afrika (Afcon) sa 2025.

Jaanong Chiefs e tshwanetse go wetsa metshameko ya yone e le 10 e e setseng mo Nedbank Cup kwantle ga gagwe.

Dortley o tla fosa gape metshameko ya makgaolakgang ya Bafana Bafana ya Sejana sa Lefatshe sa 2026 ka gonne o tla tloga a kopana le Lesotho le Benin.

O ne a gobala mme seno se ne sa dira gore Nabi a sale le Miguel, Msimango, Edmilson Dove, Zitha Kwinika le Aden McCarthy kwa morago.

BUISA GAPE: Sekgele sa bobedi sa Kaizer Chiefs kgatlhanong le Stellenbosch

Source:Lisenetini.co.za

Translator: Onkarabile Manganye