Palo ya batho ba ba batlang Jose ea oketsega

Moeteledipele wa Orlando Pirates, Jose Riveiro, o tla bo a sa tlhoke tiro fa konteraka ya gagwe le setlhopha sa Soweto e ka ntšhwafadiwa.

Jose Riveiro o felelwa ke konteraka ya gagwe kwa bofelong jwa June.


Mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, go ile ga buiwa thata ka isagwe ya gagwe.

Le fa go ntse jalo, o ile a kgona go tila go botsa ka isagwe ya gagwe, a bolela gore gone jaanong o tlhomile mogopolo mo tirong e e mo letetseng.

Fa e le ka tsela e a dirang ka yone fa e sa le a tsena mo setlhopheng sa Orlando Pirates.


Ga go pelaelo gore Jose Riveiro o tshwanelwa ke go nna le konteraka e ntšha.

Ga se fela gore o dirile gore setlhopha sa Pirates se itsege ka tsela ese tshamekang ka yone, mme gape o ba file dikgele di le dintsi.

Mokaedi yono wa Mo-Spain o setse a na le dikgele di le tlhano.

Mme o sa ntse a ka kgona go oketsa ka tse dingwe di le tharo.

Pirates e sa ntse e le mo lobelong lwa go bona dikgele tsa Nedbank Cup, Caf Champions League le Betway Premiership.

Go ne ga begwa gore setlhopha sa bosetšhaba sa Finland se batla gore a nne mothapisi wa sone.

Jose Riveiro o kile a bereka kwa Finland.

Seno ke pele ga Orlando Pirates e mo naya tiro ya gagwe ya ntlha ya go nna mothapisi.

Soccer Laduuma jaanong e bega gore Morocco le yone e batla go itse ka boemo jwa gagwe le Pirates.

Ba batla go mo tlhopha gore a tle a thapise setlhopha sa bosetšhaba se se tla simololang ka Phukwi.

Seno se tla diragalanfa konteraka ya motho yo o nang le maemo ano e fela.

Motho mongwe o ne a nopolwa a re:


“Sergio Almenara yo e kileng ya bo e le motlatsi wa gagwe mo setlhopheng sa Pirates.


O ne a tsenela setlhopha sa bosetšhaba sa Finland mme le ene ba sa ntse ba mo lebile”.

BUISA GAPE:Monnapule Saleng o boile kwa Pirates

Source:http://Lisenethini.co.za

Translator: Onkarabile Manganye