
Orlando Pirates mo mafelong a beke a Paseka
Jaaka go ntse go tlwaelegile ka nako ya Mafelo a Beke a Paseka, Pirates ba dira gore go nne le ditirelo tsa Kereke tse di tshwarwang ka Mafelo a Beke a a Boitshepo kwa lefelong la motshameko wa bone.
Mme mookamedi wa metswedi ya tshedimosetso wa tlelapa o bolela gore mafelo ano a beke a a tlang ga se a maemo a a kwa tlase.
Go farologana le dipego tse di phoso tsa kwa Afrika Bokone ka ga motsamao ono
tse di amanang le tirisodikgoka ya morago ga motshameko wa mafelobeke a a fetileng e e simolotsweng ke setlhopha sa Algeria sa MC Alger.
Merafe o na le tshedimosetso e e oketsegileng ka phetogo eno.
“Go phepafetse gore ka metlha re batla go tshamekela kwa gae.
Re setlhopha sa batho ba ba ratang dilo tsa semoya, jaaka o buile mme re dumela mo bagologolwaneng ba rona.
Mme re dumela gore bagologolwane ba rona ba kwa Orlando.
Mme gape re tlhaloganya gore go nna fano ka lobaka lo loleele jaaka re ntse re le fano.
Merafe o ne a re go nna letshwao le legolo jaana, o tshwanetse go tlhaloganya tikologo ya gago.
“O tshwanetse go tsamaisana le se se go dikologileng.
Mme se se diragalang mo go lona le gone jaanong ke nako e e boitshepo mo Bakereseteng botlhe, ke mafelobeke a Paseka.
Re itse gore go na le tirelo ya kereke e e tla tshwarwang kwa Orlando, e nna teng ngwaga le ngwaga.
Gone ke boammaaruri gore re ka nna ra gana.
Ke legae la rona, re batla go tshameka koo le setlhopha.
Mme seo e tla bo e le go sa tlotle dilo tse dingwe tse dintsi.
“Sengwe se modulasetilo a re se rutileng ke go nna le tlotlo ka dinako tsotlhe.
Mme ke sone se se re tlisitseng mo FNB Stadium”.
Thanolo ka ga Onkarabile Manganye
