
Ncobo o akgela ka kgwele e e neng ya baka modumo ya Chiefs
Moatlhodi yo o kileng a bo a eteletse pele mo kgaisanong eno, Ace Ncobo.
O ne a akgela ka go bo Kaizer Chiefs e ne e dirile gore go nne le modumo.
Kaizer Chiefs ba ne ba fenya Melodi Sundowns ka 2-1.
Mo go neng go sa lebelelwa, ba ba fisa jese mo Nedbank Cup mo mafelobekeng.
Motshameko ono o o neng o tshwaretswe mo setadiamong se se tletseng ka babogedi.
O ne o na le ditiragalo tse di tshosang tse di neng di tlwaelegile mo metshamekong eno.
Mme gone, go ne go setse go le thari go bona motshameko o o neng wa felela ka gore Kaizer Chiefs e fenye ka go latelela Ashley Du Preez.
Ba ne ba lelela Sundowns thata.
Mme mokatisi wa bone, Migul Cardoso.
o ne a isa mogala wa letheka go ya go bontsha babegadikgang se se diragetseng morago ga motshameko.
O ne a ngongorega ka gore Du Preez o tsentse kgwele mo lefelong le e seng la gagwe.
Mme go ne go sa tshwanela gore e balwe.
O ne a bolela gore go dira mo nageng e go se nang di-VAR mo go yone go utlwisa botlhoko thata.
Ka gonne go motlhofo gore motho a tshwarwe ke di-VAR.
Se se kgatlhang ke gore, tota le Baeteledipele ba le bantsi ga ba ganetse gore le bone ba kile ba nna le seabe mo tshwetsong e e sa siamang e e ba solegetseng molemo.
Ncobo le ene o ne a dumalana le Cardoso.
Le fa go ntse jalo, o ne a re Du Preez o ne a tswile ga nnye.
Mme go ne go le thata gore a lemogiwe.
BUISA GAPE: Kaizer Chiefs | Nabi a re phenyo ya bona e ne e le lesego
Motswedi: http://Lisenethini.co.za
Thanolo ka ga Onkarabile Manganye
