Nabi o ema Ranga Chivaviro Nokeng

Ranga Chivaviro o na le dikamano tse di sa siamang le balatedi ba Kaizer Chiefs.O ile a gakololwa gore a nne thata.

Motshameki yo o ne a sa bolo go nna le mathata le setlhopha sa Kaizer Chiefs. Fa e sa le a simolola go tshameka mo go sone dingwaga di le pedi tse di fetileng.

Le mororo Ranga Chivaviro a supa boikemisetso ka dinako tsotlhe fa a tshameka. O na le mathata go dirisa ditshono tse di lebegang di le motlhofo tsa go ntsha maduo boatla.

Seno se dirile gore a lebege e le mmaba wa bangwe ba babogedi ba setlhopha sa Kaizer Chiefs. Ba ne ba setse ba mo lebile ka matlho a mahibidu nako le nako fa a bona kgwele.

Ka Labobedi, fa Chiefs e ne e fenya Magesi FC ka 1-0 mo motshamekong wa Betway Premiership. Chivaviro o ne a nna le ditshono di le mmalwa tse di molemo tse a neng a sa di dirise.

O ne a emisediwa ke Ashley Du Preez kwa bokhutlong jwa motshameko. Bangwe ba babogedi ba ne ba mo omanya ka go bo a paletswe.

Fa a ne a bodiwa ka tiragalo eno, mokatisi Nasreddine Nabi o ne a solofetsa gore o tla tshegetsa motshameki wa gagwe.

 “Go tshamekela setlhopha se se tshwanang le sa Chiefs go tlhoka motho yo o nonofileng.Motho yo o nang le mogopolo o o nonofileng tota.

Ke setlhopha se se nang le balatedi ba le bantsi. Seo se dira gore go nne motlhofo gore ba tshwaiwe diphoso.” Ga bua Nabi fa a ne a bodiwa ka go beolwa ga Chivaviro.

BUISA GAPE: https://metshameko.co.za/2025/02/17/nabi-o-galaletsa-mmodi-morago-ga-phenyo-e-kgolo-ya-chiefs/

SOURCE:https://lisenethini.co.za/2025/03/05/unabi-weluleka-uranga-chivaviro-okhacwa-abalandeli/

TRANSLATOR: Onkarabile Manganye