Mothibi- “O se tshege yo weleng mareledi a sale pele”

James Mothibi o omanya ma Aforika Borwa ka ntlha ya go itumelela tatlhegelo ya Pirates.

 

Pirates e latlhegetswe 3-0 mo motshamekong wa yona le Saint-Éloi Lupopo kwa DRC.

 

Setlhopha se tla nna mo ntweng e kgolo mo motshamekong oo latelang kgatlhanong le Lupopo.

 

Mothibi o tenegetse ka moo ma Aforika Borwa a amogetseng dikgang tse.

 

O bua gore re tshwanetse go leba se re se ketekang re le maAforika Borwa.

 

“Ditlhopha tsa mo gae di tlhoka tshegetso fa di tshameka kwa ntle ga Naga” , Mothibi a re yalo.

 

Mothibi o dumela gore dintwa tsa ditlhopha tsa mo gae di wisa mowa wa kgwele ya dinao.

 

o okeditse ka gore ditlhopha tsa mo Aforika Borwa di tshwanetse go emana nokeng.

 

O nna ntse a nale tshepo ke fa seemo se le boima.

 

“Pirates santse e ka fetola dilo” o bua a itshepile.

Setlhopha se ka fitlhela digoulu di le thato kgotsa go feta Kwa Orlando.

 

Mothibi o gatelela gore maAforika Borwa a eme mmogo.

 

“Kgwele ya dinao ga se ntwa”.

 

Motshameko wa bobedi o tla diragala kwa Orlando Stadium ka lamatlhatso.

 

Pirates e tlhoka tshegetso yotlhe e e kae fitlhelang mo nakong e.