Motaung Kaizer: Ka ga ene

Ponelopele ya ga Motaung ya Kaizer Chiefs e ne e phepafetse go tloga kwa tshimologong:

Go dira tlelapa ya seporofeshenale e e ka gaisanang e e kwa maemong a a kwa godimo.

Ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, tlelapa e fentse dikgaolo di le dintsi tsa liki le dikgele tse dikgolo.

E ne ya tiisa maemo a yona jaaka maatla a kgwele ya dinao.

Setlhopha seno se na le balatedi ba le bantsi, ba ba dirang gore ba nne le ditumalano tse di duelang tsa go ba ema nokeng le go nna le letshwao le le atlegileng le le dirang dimilione tsa diranta ngwaga le ngwaga.

Mo godimo ga kgwele ya dinao, Motaung o itshupile e le rakgwebo yo o botlhale.

O ne a tlhoma Kaizer Investment Holdings ka 1996.

A farologanya porotefoliyo ya gagwe ya madi go ya kwa ntle ga metshameko.

BUISA GAPE:Nabi o bua ka bothata ba setlhopha 

Khampani ya gagwe e e bidiwang Kaimot Investments, e e dirang ka thata mo go tsamaiseng dithoto, e oketsa khumo ya gagwe.

Bokgoni jwa ga Motaung jwa go dira kgwebo bo mo thusitse go dira ditumalano tsa go tshegetsa Kaizer Chiefs le ditlamo tse dikgolo tse di jaaka Vodacom, Toyota le Nike.

Ditirisano tse di thusitse thata mo katlegong ya gagwe ya madi.

Mme ya mo dira mongwe wa batho ba ba humileng go gaisa mo kgweleng ya dinao ya Aforika Borwa.

Motswedi:http://briefly.co.za

Thanolo ka ga Onkarabile Manganye