Monnapule Saleng o batla go tswa mo Orlando Pirates

Monnapule Saleng, mongwe wa ditalente tsa Orlando Pirates, o lebagane le mathata a a botho le a tiro. Saleng ke naletsana ya mmamorati ya Pirates.

Metswedi e e gaufi e senola gore Saleng o na le kgatelelo ya maikutlo le keletso ya go tlogela tlelapa. Kgang ya go tlhoka boitumelo ga gagwe e tswa mo tumelong ya gore ga a duelwe sentle. Le maiteko a gagwe mo lebaleng ga a tseiwi tsie.

Tshenolo e e tshosang e tswa ka tlhamalalo kwa batsading ba ba tshwenyegileng ba ga Saleng. Thabo le Makie Tsoeu, ba ba buileng ka tlhamalalo ka mathata a morwa wa bone ka nako ya puisano e e kgethegileng le Sunday World ka Labotlhano. Mogale yo o nang le bokgoni, yo e ntseng e le mongwe wa batshameki ba ba itsegeng thata kwa Pirates mo dingwageng tse di fetileng, go begwa fa a ntse a lwantshana le maikutlo a a tseneletseng a go swaba.

Go lebega Saleng’s a tshwenyegile thata mo maikutlong fa a ntse a kgobega marapo ka ntlha ya se a se tsayang e le go sotliwa ka madi ke setlhopha.

BUISA GAPE:https://metshameko.co.za/2025/02/17/shakes-mashaba-o-tswa-kwa-bookelong/

Source: Monnapule Saleng wants out of Orlando Pirates: Depression and financial struggles.

Translator: Onkarabile Manganye