
Moletlo wa makgaolakgang wa Carling Knockout o ya kwa KZN
Metshameko ka bobedi ya makgaolakgang ya Carling Knockout e tla tshamekiwa kwa KwaZulu-Natal.
Jaaka ditlhopha tse pedi tsa porofense – Golden Arrows le Richards Bay – di tlhophilwe go tshamekela kwa gae.
Metshameko eno e tla tshwarwa ka mafelo a beke ka di 8 le di 9 tsa Ngwanatsele.
Mme dintlha tse dingwe di tla itsisiwe ke PSL morago ga go buisana le ditlhopha.
Golden Arrows e tlile go lebana le Marumo Gallants, fa bagaka ba bone ba mo lefelong leno.
Richards Bay, ba tlile go lebana le Orlando Pirates
Gallants e fitlhile mo semi-finals ka go tlhabisa Stellenbosch FC ditlhong, ba ba fenya ka 4-0 ka Laboraro bosigo.
Ndabayithethwa Ndlondlo e ne e le mogaka wa setlhopha sa Free State, o ne a ntsha maduo a le mabedi – a le mongwe mo karolong ya ntlha le a mangwe mo karolong ya bobedi.
Monde Mpambaniso, yo o neng a emisetsa Ndlondlo mo karolong ya bobedi ya motshameko.
O ne a tswelela go tswa kwa a neng a tlogetse teng, mme a tsenya bolo ya boraro.
E ne e le phitlhelelo ya lesego jaaka mosireletsi wa Stellenbosch a ne a leka go phepafatsa bolo.
Mme e ne ya tlola mo go ene mme ya tsena mo kgetsaneng.
Edgar Makana le ene o ne a tswa mo bankeng.
Mme a tsenya bolo ya bone morago ga metsotso e se kae fela a sena go tsena, a tlhomamisa gore ba tsenela makgaolakgang.
Matlha, mafelo, le dinako tsa metshameko ya makgaolakgang di tla tlhomamisiwa ke PSL mo nakong e e tlang.
Go gogiwa go go latelang: Golden Arrows v Marumo Gallants; Richards bay v Orlando Pirates mo Carling Knockout.
