Lorch o tlhophilwe jaaka Motshameki wa Kgwedi kwa Wydad Casablanca

Thembinkosi Lorch o ne a bidiwa “Wydad Casablanca’s Player of the Month” ka Mopitlwe 2025.

A gatelela phetogo e e gakgamatsang mo tirong ya naledi ya Aforika Borwa fa e sale a fudugela kwa Morocco ka Ferikgong.

Motlhami wa motshameko wa dingwaga di le 31, yo o neng a tsenela Wydad AC go tswa kwa Mamelodi Sundowns.

Ka bonako o ne a nna motho wa botlhokwa mo setlhopheng.

A kgatlha babogedi le bakatisi ka go tlhama dilo, bokgoni le boikemisetso jwa gagwe.

Lorch, o gorogile kwa Wydad a batla nako ya go tshameka.

Morago ga go kgaratlhela go nna le seabe kwa Sundowns.

Seno ke morago ga go fetisiwa ga gagwe go tswa kwa Orlando Pirates kwa tshimologong ya 2024.

Ka metsotso e e lekanyeditsweng mo setlhopheng sa Sundowns se se tletseng ka dinaledi.

Go fudugela kwa Wydad e ne e le tshimologo e ntšha mme Lorch o ne a e dirisa ka botlalo.

Mo dikgweding tsa gagwe tsa ntlha di le tharo kwa kgweleng e kgolo ya kwa Morocco, Lorch o ne a tshameka mo metshamekong e le robedi mo dikgaisanong tsotlhe.

A tsenya bolo e le nngwe le go nna le seabe mo go tlhaseleng.

Ditiragalo tsa gagwe tse di tlhomologileng tsa kgwedi ya Mopitlwe, mo a neng a tshameka metshameko e le meraro mme a tsenya maduo gangwe, di ne tsa dira gore a fiwe sekgele sa Motshameki wa Kgwedi.

BUISA GAPE: Kaizer Chiefs : Basadien, Mbule, Mshishi, Appollis

Motswedi: http://www.iol.co.za

Thanolo ka ga Onkarabile Manganye