
Letlapa o bidiwa ko Bafana Bafana
Vuyo Letlapa yo e leng mokgele wa setlhopha sa Kaizer Chiefs o biditswe mo setlhopheng sa Bafana Bafana.
Letlapa o bileditswe go tla go tsaya maemo a ga Aubrey Modiba.
Motshameki wa Sekhukhune United wa dingwaga di le 21 yo o tshamekang ka fa molemeng o biditswe mo setlhopheng sa bosetšhaba.
Seno ke pele ga ditlhopho tsa Sejana sa Lefatshe sa 2026 kgatlhanong le Lesotho le Benin mo malatsing a a tlang.
Letlapa o ne a kgatlhisa setlhopha sa gagwe thata mo metshamekong e le 17 e a e tshamekileng.
Mo bekeng eno, mokatisi wa Bafana Bafana Hugo Broos o senotse gore naledi ya Mamelodi Sundowns Aubry Mothiba o ne a tshwanelwa ke go ya go tlhokomela kgang ya lelapa.
Letlapa yo a neng a lebile go tshameka mo setlhopheng sa Kaizer Chiefs.
O ne a ka kgona go tshameka mo setlhopheng sa Bafana ka lekgetlho la ntlha.
Seno ke morago ga gore a emisetse mosireletsi wa gagwe wa molema yo o nang le bokgoni.
“Go setse go fetile nako e telele fa e sale re simolola kampa le batshameki ba le 23.
Mongwe ga a yo, Aubrey Modiba.
O na le sengwe se se botlhokwa go feta go nna mo kampeng le setlhopha sa bosetÅ¡haba jaaka mosadi wa gagwe a tshola ngwana”
Broos o ne a rialo go ya ka iDiski Times.
Buisa Gape: Hugo Broos ga a itumela
Source:http://ww.msn.com
Translator: Onkarabile Manganye
