Kaizer Chiefs e thapa motshameki kwa moseja

Kaizer Chiefs e sa ntse e le mo letsholong la go batla batshameki ba ba tswang kwa ntle ga naga.

E setse e bone motshameki yo mongwe yo ba mo batlang.

Naturana e batla go naya Siphele Sithole tshono ya go boela gae go ya go tshameka.

Nasreddine Nabi o ne a tlhomamisa gore setlhopha se fetotse leano la sone la go otlhaya batshameki.

Se tlhomile mogopolo thata mo batshameking ba ba tswang kwa ntle ga Afrika Borwa.

O ne a re ke ka gonne ba fitlhela go le thata go dira gore ditlhopha tsa mo gae di rekise batshameki ba tsone.

Go ya ka dipego tsa bosheng, Kaizer Chiefs e batla motshameki yo mongwe wa Bafana Bafana yo o nnang kwa Yuropa.

SNL24.com e bega gore Luke Le Roux wa kwa Sweden ke ene yo o latelang mo lenaaneng la Kings.

Setlhopha sa kwa Soweto se leka go mo kopa gore a boele gae.

“Ba dumela gore ba na le tshono e e botoka ya go mo saena go na le batshameki ba naga eo ba ba kgatlhegelang.”

Kaizer Chiefs e kile ya bo e bapisiwa le ditlhopha tse dintsi tse di farologaneng mo nageng eno.

Maiteko  a yone a ne a otla sefololetse.

Bangwe ba bone ke Faaz Basadien wa Stellenbosch FC, Oswin Appolis wa Polokwane City le Asanele Velebhayi wa Cape Town Spurs.

Ka Firikgong go ne ga begwa gore Thembinkosi Lorch o ne a tswa kwa Mamelodi Sundowmns.

Lorch o ne a feleletsa a adimilwe kwa Wydad Athletic mme a thapisiwa ke Rulani Mokwena kwa Morocco.

BUISA GAPE:Rushwin Dortley o gobetse

Source: http://lisenethini.co.za

Translator: Onkarabile Manganye