Hugo Broos ga a itumela

Mokatisi wa Bafana Bafana, Hugo Broos, ga a itumelele pele ga metshameko ya 2026.

Metshameko ya Kgatelelo ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA, kgatlhanong le Lesotho le Benin.

Motshameki yo o neng a tshwanetse go bam o setlhopheng sa Bafana Bafana o bile le kgobalo.

Hugo Broos o ne a tshwaya Orlando Pirates phoso ka tsela e ba neng ba tshwara kgobalo ya ga Patrick Maswanganyi ka yone.

Motshameki wa kwa bogareng wa Pirates o ne a gobala ka nako ya katiso.

Ke ka moo a ne a sa kgona go tshameka mo motshamekong wa Bucs’ le Mamelodi Sundowns ka Sontaga.

Gape o ne a sa kgone go tsamaya le setlhopha sa bosetšhaba go ya kwa Polokwane.

Kwa setlhopa  se tla tshamekang teng le Lesotho ka Labotlhano.

Seno e tla nna  pele ba ya kwa Côte d’Ivoire, kwa ba tla tshamekang teng le Benin.

Broos a re o ne a itsisiwe ka seemo sa ga Maswanganyi bosigogare jwa Sontaga.

Motshameki wa kwa bogareng wa Polokwane City, Rodney Maphangule o ne a tlisiwa jaaka moemedi wa  “Tito”.

Buisa Gape:Buccaneers e fenya Sundowns 2 – 1

Source: http://www.msn.com

Translator: Onkarabile Manganye