
Di-Proteas di bolea Pakistan!
Morago ga go goroga kwa Dubai ka Sontaga, Proteas e tla boela kwa Pakistan go ya go tshameka motshameko wa makgaolakgang wa Champions Trophy.
Ma-Aforika Borwa a tla lwa le New Zealand kwa Lahore ka Laboraro mo semi-finaleng ya bobedi. Seno ke morago ga gore Ma-Black Caps a fenngwe ke India ka mawelana a le 44 ka Sontaga. India e tlile go lwa le Australia ka Labobedi.
Di-Proteas di ne tsa tlhatloga go tswa mo setlhopheng sa B morago ga go fenya Engelane. Motshameko o ne o tshwaretswe kwa Pakistan. Nngwe ya metshameko ya makgaolakgang e ne e tlile go tshamekiwa kwa Dubai gore e tle e tshware India. India e tshameka metshameko ya yone yotlhe kwa United Arab Emirates. Seno yone a ntlha ya kgotlhang ya sepolotiki e e leng teng magareng ga yone le Pakistan.
Fa e le gore India, e e fentseng metshameko yotlhe e meraro ya setlhopha sa yone go nna kwa setlhoeng sa Setlhopha A go feta New Zealand, e ka fenya mo kgaisanong ya makgaolakgang, kgaisano ya makgaolakgang le yone e tla tshamekiwa kwa Dubai. Fa e le gore Australia e a fenya, motshameko o mogolo o tla tshamekiwa kwa Pakistan.
BUISA GAPE:https://metshameko.co.za/2025/03/03/monnapule-saleng-o-batla-go-tswa-mo-orlando-pirates/
Source: www.msn.com
Translator: Onkarabile Manganye
