
Buccaneers e fenya Sundowns 2 – 1
Pharologano e e leng teng fa gare ga Buccaneers le Brazil ke dintlha di le 15.
Go na le tsholofelo ya gore Buccaneers e ka lwela go fenya.
Pirates e na le metshameko e le nne fela e e setseng.
Phenyo eno ke go ipusolosetsa ka go bo ba ne ba fenngwa ke Sundowns ka 4-1 mo kgweding e e fetileng.
Pirates e ne ya simolola ka tsela e e gakgamatsang.
Ba ne ba etelela pele ka 2-0 mo metsotsong e le metlhano ya ntlha.
Sekgele sa ntlha se ne sa tlisiwa ke go siana ga Evidence Makgopa go tswa kafa letlhakoreng la moja.
Motlhasedi o ne a tswa mo tshireletsong.
A neela Mofokeng kgwele e e lekanetseng sentle, yo o neng a se ka a dira phoso, a bona kgwele e tswa gaufi.
Metsotswana e le 70 fela morago ga moo, Mofokeng o ne a menola palo ya gagwe gabedi.
Go itshireletsa ka tsela e e bokoa ga Sundowns go ne ga letla Mofokeng go thuntsha go tswa kwa ntlheng ya lefelo la kotlhao.
Go tsere Sundowns lobakanyana gore e boe e nne le maatla gape morago ga go fenngw.
Ba ne ba batla ba fokotsa go latlhegelwa ga bone ka halofo mo metsotsong e le 21.
Baeng ba ne ba tswelela go batla go bona maduo.
Lucas Ribeiro o ne a atumela morago ga sephatlo sa ura, a romela kgwele e e golang ka bonako go tswa mo moleng.
Kwa tshimologong ya sephatlo sa bobedi, Sundowns e ne ya dira phetogo, ya tlisa Arthur Sales mo boemong jwa ga Shalulile.
Sundowns e ne ya laola motshameko morago ga nako ya go ikhutsa mme ya duelwa mo metsotsong e le 66.
Buisa Gape: Mabasa o bua ka go sala ga gagwe mo setlhopheng
Source: www.msn.com
Translator: Onkarabile Manganye
