A go nna kelotlhoko ga Makhaula e ne ele tshweetso e e siameng ?

Makhehleni Makhaula o ne a fiwa karata ya mmala o o serolwana mo makgaolakgannyeng a Carling.

 

Babogedi bangwe ba ne ba akanya gore e tshwanetse ya bo e le karata e khibidu fela.

 

Moatlhodi wa maloba Victor Hlungwani o ne a tlhatlhoba kgwetlho e mo SoccerZone.

 

O ne a re, “Faposa kgwetlho e e sa akanyetseng le e e feteletseng ya go dirisa maatla”.

 

Leoto la ga Makhaula le ne le obega, mme seo se ne se fokotsa maatla a go tshwara kgwele.

 

Leoto leno le le neng le kgona go oba le ne le dira gore go se ka ga dirisiwa maatla a a feteletseng.

 

Ka jalo, karata e e serolwana e ne e lekane go mo gwetlha ka tsela e e sa akanyetseng.

Hlungwani o ne a akgola Akhona Makhalima go bo a ile a tshwara motshameko wa makgaolakgang.

 

Go ya ka mokanoki wa moatlhodi, tshwetso eo e ne e siame.

 

Makhaula o ne a tila go newa karata e khibidu mme o ne a le botlhaswa.